Bakgatla ba ipelela Dikgafela

Borre ba mophato ba natifisa moleto wa Dikgafela
Borre ba mophato ba natifisa moleto wa Dikgafela

Bakgatla ba ga Mmanana kwa ga Moshupa ba rotloeditswe go rata ngwao le ditso tsa bone tsa bogologolo gore ba seka ba tloga ba iphitlhela ba sena motlhala o o ba supang jaaka morafe.

Thotloetso e dirilwe ke Mothusatona ya Lephata la Temothuo, Kgotla Autlwetse kwa moletlong wa dikgafela kwa Moshupa ka Labotlhano. Autlwetse o boletse fa Batswana ba tswa kgakala ba rata ngwao le ditso tsa yone, a re ke sone seo a bonang go le botlhokwa gore morafe mongwe le mongwe o leke bojotlhe go somarela tlholego ya one. O rile Bakgatla ba ga Mmanaana ba na le ditso tse dintsi tse ba tshwanetseng go di itsise merafe e mengwe ya Botswana.

Autlwetse o tlhalositse fa dikgafela ele meletlo e merafe ya Botswana e tswang kgakala le yone, gape dikgafela di direlwa go leboga pula, go supa se se neng se lemilwe le go robiwa ka nako ya temo. A re Batswana ke batho ba ba tlotlang magosi, badimo le Modimo thata. A re ke sone seo ba bonang botlhokwa jwa gore morago ga thobo ba ise malebogo kwa magosing a bone ka ba dumela fa e le one a ba golaganyang le badimo le Modimo.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up